Professor Sekepe Daniel Matjila o simolotse sekolo ka 1968 kwa Phake Thabeng mme a ithuta gona go fitlha ka 1971. Ka 1972 ke fa a tsweletsa Mophato wa Boraro kwa Refitlhile Combined School mo motseng wa Temba.
Lokwalo lwa Mophato wa borataro o lo falotse kwa Thabo ya Batho mo motseng wa Bosplaas. Fa sekolo sa Kgaphamadi Junior Secondary se simololwa ka Ferikgong 1976, Prof. Matjila e nnile mongwe wa baithuti ba ntlha mo sekolong se. O falotse lokwalo lwa Mophato wa borobedi kwa Ntswane High School. Dithuto tsa materiki o di feditse kwa Matlaisane high School.D.S.
Prof. Matjila o falotse dithuto tsa BA ka 1985. A wetsa dithuto tsa borutabana H.E.D kwa Turfloop ka ngwaga wa 1986. Ka 1988 a wetsa B.A. (Hons). Lokwalo lwa Master of Arts (M.A) o le konoseditse ka ngwaga wa 1994 kwa Yunibesithing ya Potchefstroom. Dithuto tsa bongaka, Doctor of Literature and Philosophy (DLitt et Phil) o di falotse mo Yunibesithing ya Aforikaborwa (Unisa) ka 2009.
Prof. Matjila o simolotse go ruta kwa sekolong sa Ratshepho High School ka ngwaga wa 1987. Ka ngwaga wa 1990 a tlhatlosiwa go nna Tlhogo ya Lefapha la Dipuo (Setswana le Seesimane) a ntse a ruta le thuto ya hisetori mo Kereiteng ya 12.
Ka 1993 ke fa Prof. Matjila a simolola go ruta kwa Yunibesithing ya Bokone, mo Lefapheng la Setswana. Ka 1994 a dirwa Tlhogo ya namaosatshwere ya Lefapha la Setswana kwa Turfloop. O tlhatlheletse baithuti ba Turfloop go fitlha ka 31 Mopitlwe 1996. Ka 1 Moranang 1996 ke fa a simolola tiro e ntšhwa jaaka Motlhatlheledimogolo mo Lefapheng la Dipuo tsa Bantsho mo Yunibesithing ya Aforikaborwa (Unisa). Ka 2003 one a tlhophiwa go nna Mokaedi wa Pan African Languages and Cultural Development Centre.
Prof. Matjila o kwadile padi ya pulamadibogo e bong “Malakabe” mme ya latelwa ke ngatana ya dikhutshwe le ditlhamo e bong “Dintelo” e a e kwadileng le E.M. Makhele. Ene le Mogomotsi Mfikoe ba kwadile dipatsana “ Go jela botlhoko teng” gammogo le “Bodila.” Ka 2004 ke fa Prof. Matjila, Khoali le Segone ba kwala Setswana Tota” (Dikereite 4-6) e le dibuka tsa kharikhulamo e e tlhabolotsweng (NCS).
Kwa bokhutlong jwa 2004 Prof. Matjila le Segone ba tshwaraganela “Monate wa Setswana (Dikereite 7-12) tsa Kemo e e Tlhabolotsweng ya Kharikhulamo ya Bosetšhaba. Ka 2012 a fetolela bayokerafi ya Sol Plaatje mo Seesemaneng le Prof Karen Haire wa Principia University, Illinois (USA). Bayokerafi ya gapa sekgele sa English Academy of Southern Africa ka 2014. Ka 2015 a kwala buka “Bringing Sol Plaatje Back Home” le Karen Haire e e phasaladitsweng ke Africa World Press, New Jersey, USA.
Prof. Matjila o buisitse dipampiri tsa thuto di le 25 mo dikhoforentsheng tse di neng di tshwaretswe mo mafelong a le mantsi a Aforikaborwa, Botswana, Lesotho, Swaziland, Maryland, Washington, Chicago, Philadelphia, Wisconsin (USA); Stockholm, (Sweden); Singapore; Tokyo, (Japan); Jybaskyla, (Finland); le Essen (Germany); Adelaide (Australia); Lisbon (Portugal); Athens (Greece); Madrid (Spain); Paris (France) le mafelo a mangwe a mantsi. O phasaladitse diathekele tsa saentshe di le lesomenne mo dijenaleng tse di atlenegisitsweng tsa saense.
Ka ngwaga wa 2006 Prof. Matjila o ne a lalediwa kwa Pennsylvania University (USA) go ikwadisetsa English Language Programme, dithuto tse di neng di etleediwa ke ba Lefapha la Thuto le Ditso,(Department of State Bureau of Educational and Cultural Affairs). Ka 2009 a bona Presidential Scholarship sa dikgwedi di le thataro go ya go dira dipatlisiso kwa University of Michigan, Ann Arbor kwa (USA). Ka 2013 a lalediwa ke ‘The Guardian of London’ kwa Engelane mo puisanong ya ‘Shakespeare in other countries. A neelana ka puo kwa University of London ka taletso ya Sarah Maragoza. A lalediwa jaaka visiting Professor kwa Pricipia University (Illinois) le Pricipia Arts College (Missouri) go ruta African Cosmology, Setswana Cultural history, art, and Astrology.
Prof. Matjila ke moporofesara wa ntlha yo o tletseng wa Hisitori, Ngwao le Puo ya Setswana. Ke motlhatlhobi-mogolo wa Cambridge International yo o katisang barutabana mo Aforikaborwa, Botswana, Namibia le Zimbabwe. Ke moemedi wa Academy of African Languages (ACALAN).
Prof. Matjila o nyetse Lerato Manthuding mme ba segofadiwa ka bana ba le bararo, basetsana ba le babedi le mosimane a le mongwe. Leitibolo ke Kefilwe Matlhaka, (Mmatau, ke fitlhetse ditau kwa Rantswetswetswe, ka tsena fa gare ka goga tawana) a latelwa ke Itumeleng Nkube (Makhukhuna a boRakau, a ka khukhuna ke tla le dingope, go pholosa manku a swana) mme gofejane ke Warona Otsile Nkone (Ramokone wa boThapedi, rantlhanyana wa Matjila yo o tumileng fa pele ga kgosi).
Motse wa Temba o ipela ka wena!