Lekgotlatsamaiso la Masepala wa selegae wa Moretele le tsaya nako e, go eleletsa baithuti go ralala kgaolo ya Moretele keletso masego mo ditlhatlhobong tsa ga jaana tsa ngwaga wa 2019.
MMeyera wa Moretele, Mohanselara Andries Makinta Monageng, orile, “jaaka re itse gore ditlamelwana tsa pula di bakanyiwa go santse gole gale, re solofela gore baithuti ba itshiamisitse go re dira motlotlo ka dipoelo tsa bokgutlo ba ngwaga
“Lekgotlatsamaiso le rotloetsa thata baithuti gore ba buise ka thata gore dibasari tsa kantoro ya Meyara di ba ungwele”.
Mmeyara orile barutabana, baagi, baithuti le makgotlatsamaiso a dikolo le bona ba rotloediwa gore ba nne seopa se le sengwe go bona gore ditlhatlhobo ditsamaya le go konosediwa sentle.
“Dibasari di teng mo kantorong ya Mmeyara go thusa bana ba dikobo di magetleng le bao ba falotseng ka dinaledi,” Mmeyara a re yalo.