Godfrey Bathobaile Mareme o bolokilwe ka tlhompho e kwa godimo

0
4521

 

Godfrey Bathobaile Mareme o hularetse lefatshe le le ka kwano ka Lamatlhatso, Mopitlwe a tlhola malatsi a le 7 monongwaga morago ga bolwetse jo bokhutshwane, mme a bolokwa kwa Mmabatho/Mahikeng Mopitlwe a tlhola malatsi a le 14 monongwaga.

Rre Mareme, o tsaletswe kwa Ga-Mosetlha (Makapanstad) kwa Bokone jwa Motsesetoropo wa Tshwane (Pretoria) Moranang a tlhola malatsi a le 26 ka 1960. Ke leitibolo la ga Rre Mampone Abineer Mareme le Mme Kgamphe Ellen Mareme yo o setseng a mo eteletse pele.

Godfrey yo o neng a tumile ka “Lebolobolo” e ne e le motho wa batho. E ne e le moagi wa Mahikeng mme e bile a na le lerato le le penologang mo Puong Ya Gaabo ya Setswana.

E ne e le mopalami yo o tlhotlhwa wa sethuuthuu mme e bile e le Tokololo ya Mokgatlho wa Dithuuthuu, o o itsegeng ka (Ride-With MCC) ko Mahikeng.

O digetse Mophato wa Marematlou kwa Sekolong se segolo sa Nchaupe ka 1980. E nnile mongwe wa  setlhopha sa bobedi  sa baithuti ba Yunivesithi ya maloba ya Bophuthatswana e e boneng tlhabo ya letsatsi ka 1980.

O weditse lokwalo lwa BA (Ed) le BA (Hons) mo bofatlhosing jwa ga Moporofesara JE Setshedi yo o setseng a hulere. Ka e ne e le mosekaphofu wa Puo ya Setswana, o ne a wetsa dithuto tsa Botlhamathanodi (Lexicography) ka 2003 kwa Yunivesithing ya Rhodes.

O diretse Lefapha la Setswana la Yunivesithi e ga jaana e itsegeng jaaka Yunivesithi ya Bokonebophirima go simolola ka 1985 jaaka Motlhatlheledi mme a fudugela mo Botong ya Dipuotsotlhe ya Aforikaborwa (PanSALB) ka 2002 e le Mokwalathanodi (Lexicographer).

O ntse morutabana wa mmakgonthe, o ne a ipela ka baithuti ba a ba amusitseng mme e bile a rata go bua ka bona a sa kgale mathe ganong. O ne a feleletsa a kotame maemo a a kwa godimo tota a go nna  Motseleganyimogolo wa Yuniti ya Bosetšhaba ya Puo ya Setswana e e itsegeng jaaka SEFALA le Tokololo ya Boto ya Dipuotsotlhe ya Aforikaborwa (PanSALB) moo a kwadileng Dithanodi tsa Setswana, e leng Thanodi ya Puonngwe le ya Puopedi.

Ke mongwe wa Batswana ba ba neng ba lwela tiriso ya Setswana se se sa pekanngwang mo ditheong di etsa Motsweding FM gareng ga tse dingwe. O ne a dira seno ka go ruta puo ya Setswana, hisetori, setso le ditlhangwa tsa sona mo seyalemoweng sa Motsweding FM.

Goddy- jaaka rre motsadi wa gagwe o ne a mmitsa-o kwadile setlhangwa sa gagwe sa ntlha sa terama ya serala e e neng e bidiwa “Nako e etla”ka 1982 e e neng ya diragadiwa kwa Kholetšheng ya Moretele ka 1983.

Ngatana ya gagwe ya dikgankhutshwe tsa pulamadibogo e tlhabetswe le letsatsi mo ngwageng ya 1987, e leng “BotsheloSakana la nkope” e e neng ya dirisiwa kwa dikolong tsa Bophuthatswana.

Mmogo le JWP Mashike le M Sebogwa ba kwadile lokwalo lwa “Motshwarateu.” Lokwalo lono lo ne lwa latelwa ke ditlhangwa tse dingwe tse nne, e bong “O madi matsogong”, “Thanodi ya Setswana”; “Thanodi ya Temepedi: Setswana-English” le “The Picture Dictionary”.

Mopremiya wa Bokone Bohphirima, Prof. Job Mkogoro o ne a fana ka puwo kwa phitlhong ya Rre Mareme

O tsene mo nyalong e e boitshepo le Onica Seipati Mareme ka 1984 mme ba segofadiwa ka bana ba basimane ba le bararo, e bong Tshepo (ya rona), Remmone (mosimane) le Rebabone (basimane).

O nnile le seabe mo ditheong tse di latelang go ralala naga le mo dinageng tse di mabapi jaaka tokololo.

  • 2000 – African Association for Lexicography (AFRLEX)
  • 2000 – African Language Association of South Africa (ALSA)
  • 2001 – Investment Burial and Tourism
  • 2003 – Setswana National Language Body (SetNLB)
  • 2004 – Advisory Committee of Bakgatla ba Mosetlha Tribal Authority
  • Provincial Language Sub-Committee
  • Northern Cape Province Mother tongue @EDS
  • North West Province Book Exhibition Committee
  • Motsweding FM Language Consultant
  • Oxford University Press
  • The National House of Traditional Leaders
  • National Lexicography Unit
  • Board Chairperson- SEFALA
  • President of Ride-With MCC
  • National House of Traditional Leaders

‘Bro Lebs’ o ne a na le phisego ya go neela, seo se itshupile thata mo bodireding jwa gagwe jwa bapalamadithuuthuu. O nnile mopalami wa sethuuthuu ka bo1980 go fitlhelela a tlogela lefatshe le le ka kwano. Ride-with MCC, setlhopha se a se simolotseng, e ne e le legae la gagwe.

O ne a swetsa go tlhoma Akhademi ya bopalami jwa dithuuthuu moo a rutileng halofo ya bapalamadithuuthuu ba Mahikeng. “Bro Lebs”o ne a itsege gape ka boineelo jwa gagwe mo go tlhomamiseng gore go nna le pabalesego le tolamo mo go se a se dirang.

Mo diphitlhelelong tse dingwe tsa gagwe tse tota di thibang letsatsi, o ne a abelwa sekgele sa “Microsoft Local Language Program” ka ntlha ya seabe sa gagwe se se ntsheditsweng maswe dinaleng se se bakileng go ribololwa ga  Windows Vista  le 2007 Microsoft Office System ka Setswana.

O ne gape a abelwa sekgele sa go dira ka matsetseleko kwa dikabong tsa Bopuontsi tsa PanSALB ka 2008/2009 e le go tlotlomatsa seabe sa gagwe mo kgodisong ya Puo ya Setswana fa go gololwa “Multilingual Terminology of Statistics South Africa.”

O tlogela molekane-Seipati, barwa ba le bararo-Tshepo, Remmone le Rebabone mmogo le ditlogolwana di le nne-Tshepiso, Remotshepile, Orefile le Remotlotlile, rre Motsadi- Mampone, morwarraagwe-Aubrey le bokgaitsadie ba le bane-Audrey, Audict, Aulrey le Valrey.