TSHOLELO YA PROFESARA SEKEPE MATJILA GO OUPA MOTAUNG (1963-1988)

0
222

Botshelo jwa Rona kwa Dikolong tse Kgolwane / Maungo a Botsala jwa Rona

Oupa o ne a rata thuto thata. O ne a mpolelela nako nngwe le nngwe ka barutabana ba ba diphatsa jaaka Mr Lephote, Ms Mokolobate, Mr Molefe, Mr Moeng le ba bangwe ba e neng e le dikgeleke tsa thuto. O ne a nkopelela pina e, a bile a nkopa gore mo ngwageng o o latelang ke tle Matlaisane gonne ka mafoko a DPS Monyaise Lesedi la Matlaisane High le ne le tshwana le la naledi e le yosi e tlhagile marung a sigo jwa Phatwe. Se nyedimola ka lesedi gore botlhe ba ba nyoretsweng thuto ba tle go nwa metsi a motswedi wa poloko.

Jaaka Mohumagadi wa Ethiopia Balkis Makeda a kile a TSIBOGELA mafoko a motsamai wa mokgwebi yo o neng a bua ka botlhale ba ga kgosi Solomone, mme a ragoga ka dichariote di le 789 di goga ke dikamela mo sekakeng sa Arabia, go ya go ikutlwela ka ditsebe le go iponela ka matlho se go buiwang ka sona, le nna I decided to follow the footprints of wisdom. Mohumagadi yo o itsegeng jaaka Balkis Makeda mo go Quoran kgotsa Queen of Sheba mo beileng ya bakeresete a re ke ya go bona Solomone gonne:

I desire wisdom and my heart seeks to find understanding. I am smitten with the love of wisdom…. for wisdom is far better than treasure of gold and silver… It is sweeter than honey, and it makes one to rejoice more than wine, and it illuminates more than the sun…. It is a source of joy for the heart, and a bright and shining light for the eyes, and a giver of speed to the feet, and a shield for the breast, and a helmet for the head… It makes the ears to hear and hearts to understand.”

Jaaka Oupa a nkopile ke ne ka ya Matlaisane mme ka kopana le mogokgo o nickname ya gagwe e neng e le SUPER. Oupa a re ba mo file leina le ka ntata ya botlhale jwa gagwe le go itse go ruta marutwa otlhe mo sekolong. Ba re SUPER o kgona go ruta Setswana le Physics, Religious Science le Mathematics jalo-jalo. Morago ga gore mo thutong ya biology SUPER a nthute Mendel’s law of Segregation di-periods di le pedi a tshotse tšhoko le dastara fela, ka lemoga gore bosele bo sena mahube. Ka ba ka lemoga gore Oupa o ntlisitse mo motsweding wa thuto.  Mo tsamaong ya nako fa ke ntse ke gola ke tlhalefa ka elelwa gore Oupa ke moenyana o pele lobone lwa waabo kgotsa  nkare A harbinger is the lamp of his friend, selekani sa sona sa Seisemane se re Happy is he whose friends were born before him.

Oupa a ntlogela kwa Matlaisane a ya Turfloop. Fa a tlile ka malatsi a boikhutso o ne a ntshamekela mmino wa Jazz, o o neng a o rata bobe. O ne gape a jiva, a mpontsha distaele tse ntšhwa tse di binwang kwa Yunibesithi. A mpolela le ka di-kleva tsa khemphase jaaka bo-Shake Bonanza, bo-Walktall le bo-Soweto News. O ne a ntlotlela ka maemo a batlhatlheledi le seabe sa bona mo thutong.  A re go na le motho yo o tlotliwang thata kwa Yunibesithi o bidiwa DEAN OF FACULTY.  Gore ofisi ya gagwe e tona thata mme e tletse dibuka tse dintsi thata tse go tweng o di buisitse tsotlhe.  O nna mo setulong sa mabili mme tiro ya gagwe ke go thusa ditlhogo tsa mafapha le diporofesara. Dikgang tsa Oupa di ne tsa nkgatlha thata ka eletsa e kete le nna nka ya go bona bokapi, le go ya go bina chick to chick ka fa tlase ga dipone tse di letobo (deem lights).

Ke ne ke sa dira kopo ya go ikwadisetsa dithuto tsa go ya Turfloop fake kopana le Noko Mmamarege. Noko o ne a ntsaya ka letsogo mo letsatsing le lelatelang a nkisa Turfloop mme ka boa ke na le student card.

DITHUNYA DI LONKO LO KGORISANG PELO

Nngwe ya ditemana tse re neng di rata bobe go tswa mo bukeng ya Seburu ya Bo die Kranse, khutshwe e e neng e tlhalosa gore botshelo bo rwalelwa ditlhako mme e bile moremogolo go betlwa wa taola wa motho a ipetla. Moanelwamogolo Oom Smittie are:

Toe ons nog baie klein was het ons altyd gehoor van die end van die reenbo. Dat in die end van die reenbo daar is n pot vol goud wat ons nooit kan sien and nooit kan vind. n’ Pot vol goud is moes n droom. Lewe is moes nie so nie. Lewe is baie moelik and hard. En aleen, as jy jou voete vas op die grond hou, kan jy hom wen.

Oupa o ne a rata dinyao mme metlae ya gagwe e fitlhile tlhaloganyo e e tlhwekileng, e e bogale jwa thipa. Ke gakologelwa gangwe le gape fa a tswa go tsaya script kwa motlhatlheleding o ne a feta kwa phaposing ya me go mpontsha sona. A ntheye are wa bona Mochana 88% e raya gore BUY BUY BEST BLEND (BB). Fa ke ntse ke falola ka tsela e lehuma ga le kitla le nkaparela. Fa nka iponela dikirii e, nka se tsoge ke nnile hobo. A totobatsa mafokoa a Oom Smitie wa Moaforikanse le mafoko a Motsogapele wa motswana fa a re moremogolo go betlwa wa taola wa motho o a ipetla

MABOLELO A BOFELO: LEGAENG LA BOFELO

Mo letsatsing le re neng re tla gae ka lona re ne re le bane mo koloing ya Mpolaeng. E le Oupa le Mpolaeng kwa pele mme kwa morago ke ntse le Noko. Re ne re tsere dikgang tse di monate tsa meletlo ya dikapeso mme Noko a ntse a gakolola nna le Oupa gore re se lebale gore o re tlisitse mo Turfloop.  A bua a itumetse gore jaanong ke nako gore matona a gagwe a mo felegetse gonne ka gale kgosi e patiwa ke batlhanka fela jaaka tshukudu e patiwa nonyane e e bidiwang kala ya tshukudu.  A bua gore fa Modimo a ratile o ya go khubama fa pele ga mokanseliri wa yunibesithi go amogela dikiririi ya gagwe Bachelor of Law (Bachelor of Juris). Fa re ntse re kgoetsa go ne go na le tekisi e e saleng ya re overtake mo sharp-curve ra tshwanela ke go tshabela kwa ntle ga tsela go e naya sebaka. Noko ke fa a simolola go bua gore e kete letsatsi la gagwe le legolo ga a kitla a le bona segolo fa boratekisi ba kgweetsa ka yona tsela e. Re ne re itshegela le fa ene a ne a šakgetse a bile šabetsa ka ditlhapa a re sepedi ga se rogane.

Go tloga fa o ne a ntse a ama kgang ya loso. A gelela mafoko a Shakespeare a Oupa a neng a a rata thata a a reng:

  1. Is this a dagger which I see before me,
  2. The handle toward my hand? Come, let me clutch thee.
  3. I have thee not, and yet I see thee still.
  4. Art thou not, fatal vision, sensible
  5. To feeling as to sight? Or art thou but
  6. A dagger of the mind, a false creation,
  7. Proceeding from the heat-oppressèd brain?
  8. I see thee yet, in form as palpable
  9. As this which now I draw

Re ne ra fitlha gae sentle go ipaakanyetsa go boela Turfloop re le bane jaaka re tlile gae, e le Oupa, Noko, nna le Mpolaeng. Mo letsatsing le re neng re tshwanetse re kubugela Turfloop ka tsoga ke tshogile. Mowa wa me o itaya ka khutsafalo boidiiding jwa metsi a matala. Ke ne ke le pelopedi jaaka kgomo. Ka bolelela kgaitsadiake Fussy ka re ke tshwanetse go tsamaya le ditsala tsa me. Tota ba tlile go nkwatela fa nkare nna ga ke sa tsamaya. Ga ke itse gore ke dire jang, ke kalakatlega jaaka poo ya mariga.

E rile mogopolo wa me o santse o dubegile ka tsela e, Vicky Ratsoana, tsala ya me a tsena mme a nkopa gore o kopa re ise mme mmaagwe kwa Kagiso, Krugersdorp mme o kopa ke tle go kgoetsa. Fa ke tsamaya le Vicky ke ne ke ithaya ke re ke tlo kgona go boa ka nako. Nna le Vicky re kopane le Oupa le Noko le Mpolaeng mme ba nkgakolola gore ba tla tla go ntsaya ka thapama. Ke ne ke sa itse gore ke bona ditsala tsa me lwa bofelo. Ba ile kwa gae ba ntlhoka makgetlho a le mmalwa mme ba swetsa go tsamaya. Nna le Vicky le Tommy ra palelwa ke go boela gae mme ra robala kwa Kagiso. Mo mosong fa re feta kwa Mamelodi ka utlwa dikgang tse di kgaolang tshika tsa pelo, go twe ditsala tsa me di ile boyabatho, di phamotswe ke nonyane e iphitlhile, ke lengongobadi la lenong ka lela.

Go tloga Mamelodi ka tla go bona mmane Nkele, fa a mpona a tsholola dikeledi tsa manyaapelo, ka mo atamela ka mo atlarela, mme mo pelong ya me ka raya Modimo ka re:

Fa dinaledi tsa godimo di ka nkgoa

Mowa wa me wa tlhatlogela kwa legodimong

Mme wa tlogela mmele wa me o le mokoa

Tsaya nama ya me o e jale mo mmung,

O re yo legae o le bone mo losong

Moswelagaabo ga a jewe o tshwana le moswela Tebele

Oupa o tlogetse botshelo o le monana, o le boswa jwa bojang jo botala. Ke tsaya gore o ntlogetse gore ke tle go paka ditiro tsa gago, ditiro tsa lonko monate, lonko lo lo kgorisang pelo.